Jump to content

KwaZulu-Natal

Go tswa ko Wikipedia
The printable version is no longer supported and may have rendering errors. Please update your browser bookmarks and please use the default browser print function instead.
KwaZulu-Natal
Flag of KwaZulu-Natal
Motto(s): 
Masisukume sakhe (Ga re tsogeng re age)
KZN, Aforika Borwa
KwaZulu-Natal, Aforika Borwa
NagaSouth Africa Aforika Borwa
E Tlhamilwe27 Moranang 1994
MoshatePietermaritzburg
Toropo-KgoloDurban
Dikarolwana
Government
 • TypeParliamentary system
 • TonakgoloSihle Zikalala
Area
[1]:9
 • Palo gotlhe94,361 km2 (36,433 sq mi)
Highest elevation
3,451 m (11,322 ft)
Ditlhopha tsa Batho
[1]:21
 • Bantsho86.8%
 • Basweu4.2%
 • MaKhalathi1.4%
 • MaIndia/Asian7.4%
Maleme
[1]:25
 • Sezulu77.8%
 • Sekgoga13.2%
 • Seburu1.6%
 • Sethosa3.4%
Time zoneUTC+2 (SAST)
ISO 3166 codeZA-NL
Websitewww.kwazulunatal.gov.za

KwaZulu-Natal (KZN, kgotsa Natal) ke nngwe ya diprofense tse di robongwe tsa naga ya Aforika Borwa. Profense e e borwa-botlhaba ba naga ya Aforika Borwa, mme e na le lebopo le le telele la lewatle la Indian Ocean. Profense e e aroganya botara le diprofense di le tharo, gape le naga ya Mozambique, Swaziland, le Lesotho. Toropo-kgolo ya profense e ke Durban, e gape e tlaelegileng ka leina la Thekwini kgotsa eThekwini.

Ka dingwaga tsa bo 1830, le masimologong ga dingwaga tsa bo 1840, karolo e e bokoneng ba profense e, e ne e le lefatshe la BaZulu le bidiwang 'Zulu Kingdom, mme borweng gona e le lefatshe la Maburu lene le bidiwang Natalia nakwana e khutshwane pele le fetolwa go nna Koloni ya Brithani ya Natal (British Colony of Natal) ka 1843.

KwaZulu-Natal le botsallo ba batho ba bantsi ba ba itsagaleng mo Aforika Borwa jaaka: Albert Luthuli, Pixley ka Isaka Seme, John Langalibalele Dube, Mangosuthu Buthelezi, Anton Lembede, Jacob Zuma, le Bhambatha.

Metswedi

  1. 1.0 1.1 1.2 Census 2011: Census in brief. Pretoria: Statistics South Africa. 2012. ISBN 9780621413885. Archived from the original (PDF) on 2018-12-25. Retrieved 2016-07-10.

Dikgoge tsa kwa ntle

Diporofinsi mo Aforika Borwa
Foreistata | Gauteng | Kapa Bokone | Kapa Bophirima
KwaZulu-Natal | Kapa Botlhaba | Limpopo | Mpumalanga | Bokone Bophirima